22/05/2023
Author : Bafana Oreilwe
Home : Maunatlala
App : 72912425
Insert 20 :
Title : TSELA KGOPO
Yare go bona fa motseto fa o fapogile marago,DESMOND le go emela go utwa se banna ba Puso ba se tetseng a leka go le botsa Phokoje ka a ikitse molato mme ga retela a bo go sena kwa a ka go yang...
RRE DESMOND o ne a tshegediwa ke ba sepodise sa Maunatlala go thusa ka dithomiso mabapi le ngwana oo go belaesegang ga atswa mo lapeng la gagwe e bile a sa bolo go batiwa go sa itse kwa a teng...
Sengwe le sengwe sa nna mo mpaananeng gore moeka sengwe sone o se dirile ka a ne a tharamologa ka nnete fa ene le morobanyana ntse ba iphitlha mmogo. Bobedi jwa ya go thathojwa mme morobanyana ga fithelwa a se mo mmeleng se se neng sa rothisa keledi ya motsadi wa gagwe ke go mo fithela a sa itekanela ka tsa botsogo..
MMA NEO pelo ya gagwe ya kgagoga ka bogare a gopola fa a belege ngwana wa gagwe a itekanetse jaanong a tshela ka ka bokowa ka ntha ya RRE DESMOND ka e rile a thathojwa ga fithelwa a na le mogare...
Botshelo ja kopakopana ka motsotso ga reng ga bobedi NEO le DESMOND fa mmotlana a tshwanetse go ya go kwala dithathobo tsa gagwe ka maikutlo a tobekaneng go kopana le go thoka go tsaya di thuto tsa gagwe ka thwafalo,fa moeka ene a tla di gama di sa thapelwa fa a ka bonwa molato lefa go ntse jalo a bo a le mo diatleng tsa sepodise...
👌👌👌👌👌👌👌👌👌👌👌👌👌👌👌👌👌👌👌👌👌
Nako ya makgaola kgang ya goroga NEO le bo ALEBAKWE ga mmogo le baithuti lefatshe ka bophara ba tshwanelwa ke go kwala dithathobo tsa bone diemo di leta le fa di sa lete kapa p**a yana kgotsa go tsididi mme bone e tlare Pele ga Ausi mmadirere a ya go ikhutsa a bo ba feditse pampiri tsa ntlha..
MORAGO GA BEKE :
Kefa bo mmotlana a feditse le dithathobo tsa bone fa DESMOND ene a ntse a le mo kgolegelong,Ene yare ka nako ya dithathobo ga bo go duma di tshipi fela mo tlhogong ya mosetsanyana NEO fa baithuti ka ene ba relela fela..
KWA GA MMA LESEGO :
Bo Nnana ba ne ba thamile fela thata morago ga dithathobo ALEBAKWE le LESEGO e le gore mongwe le mongwe oo bua fa go ne go se maswe maswe le ntswa LESEGO mowa wa gagwe o ne o kotometse nyana ka Dipalo e leng tsone di mo digang lefa akatla a dirile sentle..
MMA LESEGO ka Lorato la gagwe lefa ene a ne a sa itewa seatla kwa sekolong a bo a rotloetsa thata thuto gotswa kwa moding o ne a tshepisa bana ba gagwe dimpho ga ba katla ba dirile sentle e le nngwe tsela ya go ba tiisa moko mo legatong le le fa pele..
LESEGO :
Nna mma o iketle pele, kana ke tla loma motho ga a ka mpotsa gore dithathobo ne di ntse jang..
ALEBAKWE :
Nna mme o tla re loma hela,Ga motho a kgonne o tla utwa ka dipuo tsa teng..
LESEGO :
Maranyane ke a bona, Ga ele Dipalo ga ke bo bonye boroko kana ke kgona gotla ke dirile sentle mo sengwe le sengwe mme ga bo go pala ka one ke felela ke sa kgone..
ALEBAKWE :
Nnyaa mma ga ke bate go dumela gore one magogo a neng re a kwala ale a go paletse kafa o neng maloba e le wena o nthuta.
LESEGO :
Akere mme ke ne ke rutwa ke wena..
ALEBAKWE :
Ee... Kene kele morutabana wa gago ka nako eo jaanong o rutegile o ne wa nna Tautona jaanong o nketeletse Pele...
MMA LESEGO :
Ke rata jang ga o rialo ngwanaka... Tota e bile ga le katla le dirile sentle ke katla ka le rekela dimpho tota..
(a akgela mo kgang ya ga ALEBAKWE)
😍😍😍😍😍😍😍😍😍😍😍😍😍😍😍😍😍😍😍😍😍
Ka jaanong moeka DIKELEDI o mo goga ka tsebe le karata tsa mabolokelo di tshwarwa ke ene sengwe le sengwe go laola ene ka go rata le boikgogomoso a sena sepe,Ga diragala gore monnawe Matladi kwa G*e a kope thuso mo go mogolowe..
KWA NATA :
DIKELEDI :
E le gore o ne o bua le mang ka mogala sale ke le utwa kele kwa kamoreng..
RRE MATLADI :
Ke nnake kwa G*e a re ngwana o tshetswe ke metsi kwa isong,
DIKELEDI :
Jaanong a re o reng, a sa ise ngwana bookelong kana malatsia o mooki?
RRE MATLADI :
Nnyaa o ne a re ke mo thuse ka madi a kgone go palama..
DIKELEDI :
Kante ke eng bo Kgaitsadio ba ntlola godimo kana o ba reetse o re re Kgaogane... Tshwanetse gore ba tsene ka nna pele ba nkope ke nna mosadi wa lapa le...
RRE MATLADI :
Nnyaa tlhe a go a nna jalo, kana dilo tse dingwe ga o kake wa di tsena tsa bana ba motho.
DIKELEDI :
Mme ke setse ke di tsene,motho wa bo monnao o bolaisa bana tlala mo ba falang dipitsa kwa melelong a sa thokomele bana ene o itse bokgarebe hela.. A gona madi ape a o a romelang e le gore nyatsi tsa gagwe di kae ba sa mofe madi..
RRE MATLADI :
Hehehe nnyaa ka utwa motsaka le nna ba ka ntapisa tota e le gore banna ba gagwe ba kae ba sa mo thuse, go tshwanakana oo ba reng ALEBAKWE itlhela a ntshema o kare ke Rraagwe mme ga a ka nteletsa o ta nthaloganya.
(go bua korobela)
DIKELEDI :
Jaanong wa bua mogatsaka e seng gore o itire raboipelego ntswa o le mogokgo kana rra wena kgwedi tsa gago di fela gabedi?
RRE MATLADI :
Kana bone bare ke lema madi nna..
DIKELEDI :
Tlherra wena ga mpore ke lebala kana Papa a re o batla go hala matlho a se gore ke mo romelele sengwe nyana nerra!...
RRE MATLADI :
Mogatsaka dilo tse dingwe o seka wa nna o di nkopa wena dira fela... Ke go rata ke sa ikhutse motho wame, O seka wa lebala go ba lathelela a dijo a ke rate ba ka sokola kele teng...
TO BE CONTINUED :
INSERT 21
NB :
Mma Oshima le Malome Biki tota la ba itse... Ke sa tswa go kgwatha kwa kgotleng e le gore landlord a re sala ke thodia ka modumo ke letsa pina ya bone.... Bua le bone ba go utuse❤️❤️❤️
10/07/2019
10/07/2019