I😖 never knew that I could ever meet 🤝this year🤝❤️ bcz 2023 brought me nothing 😭but hell 👹 nobody could understand🤦 my pain😭 but God 🧚did ,have u ever had no place🏠 to stay as a student 👩💼,have u ever been told 🙆to move🚶 out 🗣️from where you're staying🙆 by ur room mate 👯, have u ever been 🤒told 🤦harsh words,have u ever used🤢🤧 wat u have👽 in order to live under a roof,and the world🌍 took 😪😫advantage of u .I felt 😰like door of death ⛩️could just 😭open for me ⛩️.I Never had that peace ebile nee k bona GRE go tlhoka tiro go botoka thata,I wanted🧗 to quit 🚶school but I couldn't 💭 .I prayed🧘 each day God 🧚can u pls take me away ,I tried it but I didn't 🕴️have the ability to do it 👥.That tym I had to return to church somehow I became strong ,my ex also made me much strong 😭I still 😍luv that guy 🔥📸📌mme gone 📣until 🔐my last ♥️breath bro🔐 😍
Whom am i
Try to figure out who exactly I am
I can make u a poem just for free 3 stanzas,In Tswana & other foreign language except English 😍
ke tla selwa ke mang?💔
sethunya sa me dumela
Gopo la me tlhe dumela
Iponagatse ka thobo ya leitlho
Eseng ka molodi
ka molodi ke wa basimanyana
Ba Ile madisong
Tlhe rra ikgakolole
Se sereng o bonnwa mmantlwaneng
Ntle ke go ikaele pele
Ke forilwe ke dinokwane
Matlhaba pelo
Ga ke a Siamelwa
Ke rukutlhilwe pelo
Ke ne le tsenwe ke bofofu
Matsubutsubu a diphefo
A tuputsa matlho ame ka lerole
Ka ubulwa ke sefefo
Ka gasama jaaka dipampiri
Bo selang ba ntshelasela
Bone basedi
Ba bowa ba nkgwa jaaka matlhatsa
Ke tlhakatlhakane jaaka dijo tsa lenyalo
Ke mebalabala ,ke magabagakwe
Mme bangwe ba nja setshego
Ha ke tshoge
ka motshega kgarejwana ke motsei wa yone
Ntle le botlhoko jwa pelo
Ke setswerere se se maatlametlo
Pheelo ya lwapa ,kapei le bophepa
Ke di tsaletswe
Bontle jwa pelo ga bo ipolelwe
Ka bo bonwa ka ditiro
PEFO YA MALA💨
Ao! Phefo botlhoko, ao!mmamala
Ethiaa! Pere!
Ethiaa, poo!..
Pheshwana botlhoko
Pheshwana Modumo
Mosena tlhong o sa tlhaoleng
Mogolo le monnye o Sena tlhong mo go go bone
O rata thata fa batho ba kopane
Mmogo ba itumetse
Ka ga o rate kagiso
E re go tshegwa
O betsege
Jaaka lerumo la tlhobolo
Pere o suthoge
Modumo wa gago o tsose setsego se sengwe
Pere! o ipusolosetse ka poo!
Mong wa gago a sulafalelwe
A inaine jaaka okare o boleo
Wena pheshwana ya go ganwa ke mala
E are a go gana o ralale mabota ka bonako
O suthuge o sa rerisa mmele
Fa ele mo ntsweng🐕
O setlhogo thata
Ka o tswa le ka go bola ga dijo
Ka lenko le le boketela go kgaola nko
Ere e thanya🐕e betsege
E ipogodise dintsi
E hekeediwa ke ditsa yone
O a tle o bone ntswa🐕💨 e phintse
MoNNA ( wa sera)
O sera segolo wena Monna
Ka ga o rate tshiamo
Mmankateng ga o mo lebele
O ka o fapaanya ka mebala
Dikobo ga o di rate o direla bothata
Fa o sa morate o ka di dira tsotlhe
Maina wa a ipitsa otlhe ka phapaano
O nne Tshepo
Kamoso o nne John
O saatane yo o dinaka di matlhabo
Ga tshabe go fatsa mosadi jaaka legong la mophane
O kare botlhogo ya lelwapa ba gago
Bo go tlhakantse boboko le Madi
O na le sebete sa go itatola morwalo
Lesea a modimo moatlhamela mmolai
Gano lentsho le meno matala a dijo
O tle o le atlhamise
Ditlhong di sa go kakate
O tlaa swa
O tla jewa ke diboko
Mowa wa gago o tlaa tshaba go go amogela
O nne moswi o lelela motshidi
O ntenela gape go re o e rutile boeleele
Wa e tlwaetsa borukutlhi
Gatwe ware
"go e tsaya ka ka dikgoka ga gago
O irwa ke mosadi
Ka o apara maponapona
Nna mme ke a makala
Ngwana yo o kgwedinyana
Wa go apesiwa motseto a phuthwa ka Kobo ene?
Mosadimogolo wago apara thata
Thaetse potokoutu ,sekete,Chiba mosese le Jase enee?
Ahh.. o a bo a sa apara?
Mathata a gago o ja ditagi
Di go thathantsha ditshika
Tse di Tala tse
Kante ke eng bojalwa bo sa emisiwe ?
Gongwe o tlaa tswa selo sengwe
Eseng phologolo e o leng yone
O sebolai segolo
Mosadi ene ga o mo lebele
O ka mo tlhaba-tlhaba
Wa mo kgautlhanya
O itirile Tau phologolo ya naga
Le motho a nale bana
O mo tsholola Madi fela
E se gore o tla sala o tlhokomela
O nkutlwe
fa o sa itemoge
O saletswe ke bogale jwa shaka
Bo tla bo shenne meno
O tlaa lela selelo sa ga ragele
Se sa feleng
A go elame mmaba mogolo
O nkutlwe
Hare lekane re se meno
Bangwe bare
"Ntate o makgasa mme borotho ke ya bo ja"
Le botshelo leotwana
Bo a dikologa
Ere o bona bodiba bo bo jeleng ngwana wa ga mmaago
O bo dikologe
Itse fa letlotla le sa nyelwe
MOSADI(wa seeleele)
Tota gatwe monna o ne a robalelang?
Ka legopo le ka bo le ne le sa utswiwa
Go go bopa
Wena mmadijo, serata Madi
O tswa kgakala ka matsipa
Ka o bopilwe ka bogodu
Wa tsewa ke noga ka lemme
Wa akga ditsebe le wena
Wa rwadisa Monna tlhogo
Wa mojesa leungo
Phutso wa e epiletsa
Ya tla e le mashetla
Jaaka kgwanyape
Ya re a lemile peo tshingwaneng ae tlole godimo
Le wena o setlhogo ka o sehudi
Sa go kgaoganya se sengwe le bana ba sone
O sie le tse di iphataphatelang
O di pateletse merwalo
Ere sengwe se latlha diphuka ka tshakgalo
O seke o gopole mong wa merwalo
O tle ore ke dirile phoso
O lenwee-nwee 'ka khudu
O tle o sokodise kau la modimo
Petshō o atle o e batle bobe
Ka Madi o a tsaletswe
O iphitlhe ka monwana
ka ngwana
Ore "motseto ",ore "masi "
Ore" ngwana o a lwala "
Ga o a batla atle o tswe ka maano
Ka ga a site go sita a leso
Wena gao je wa phata ya gago
Ka o ikantse tlhogo ya lelwapa
Ka wa re ya Monna matsatsa
Heela! sesa feleng sea tlhola
Modimo ga afe nkabo
Le phokoje go tshela yo o dithetsenyana
Matlhatso(Saturday)
Matlhatso goroga re itlhatswe matlho
Matlhatso re itlhatswe magano
Bangwe ba itlhatswe Madi
Rona bana re tlhatswe diaparo
Matlhatso o tsose tlhakatlhakano
Tlhakantshuke ya moroko le Mase
Go kopa-kopane ke moratshwanyana wa ga thunya o bese
Tse re neng re sa di itse re di bone
Mabaleng gole magwane ,diparo
Barati le balatesi
Diletso go natifisa wena matlhatso mathata o taboga jaaka Letsile Tebogo
O tabogela go re re tle re supologele Mosupologo
Bangwe ba supologela mo Babalaseng
PELO YAME
Tletlerr! Tlerrr! Ke Modumo wa pelo yame
Ae kgaolakaka jaaka letsela
Tle-tlerro! tlerr! Ka tleroga
Jaaka borokgo ba go monoka matshwaro
Ka sala ke le mapeka
Pelo BOTLHOKO yaa tlhokofalelwa
Mahutsana a mphekeetsa
Ditlhare ka di ja ka meno
E re ba re "dumela"
Ke selelege
dibete di emelele
Ke sume jaaka tlhapi ya Shaka
Go tloge gotwe ke mabifi
Kante nna ke matlhokong
Maiding ba e kgabetleletse
Ke re ke sela mo gongwe
Go gasame okare mabele
Le gone go nkokise
Ale mabedi - a- le - mararo
Le shwa le peperetla jaaka molelo wa diphera
Bangwe re ba gatsolosa dinala dintsho ka kerese
E tloge e time pau- pau
Pswww! Boo e ne e butswelwa
La tima SE TU!-tu!
Pelo BOTLHOKOe sale e kgasafetse
Koore ha go katwe " bagaetsho COVID was not real ,we we're shouting a movie,batho ba re neng rere ba re tlogetse ba ko mafatsheng a mangwe re ne re IRA buttering" o kareng?
NTHOMENG KE A EMELELA
Ntho! Ntho!
Ke le kgwele ke le katetse
ka matlhoko a re feditse
Le diphefo di foka ka rona
Lona mamphorwana maatlhamela babolai
NTHOMENG KE a EMELELA
Sekepe sa moria se tloga se ntshia
Tlheng ke a emelela
Ke utlwile selelo sa lona ditorong
Phadimogo yame ya mphekeetsa
Tota le lelelang ,Le sa nthome?
Bangwe pelo di tobekane ke botlhoko
Ka tshololo ya Madi e re feditse
Re rothegetswe ke Madi a kgofa
Ra salelwa ke mahutsana
Dirukutlhi le tsone di re Obame dihuba
Basadi le bana re ba tshogela lebai- Bai
Banna le basimane ba kgobotliwa ka dipuo
Nthomeng ke a emelela
Tshaba tshweung ,bo moja tlhapi ke a ba latela
Ke ya go le kwalela molao moshwa
Tshireletso ya lona e agile pelong yame
Ba kgapha keledi le nkatumele
Le nneele matshwenyego
Ke ise ke tsamaye
O bona ba go gatwa ke diterena bone
Di tlaa ba gatoga
E se ntshwa e le kgologolo
Ke raya ba go itatola molato
Makolwane ke le tsentse leitlho
Lona makgarebe beng ba yone
Go gana ka bana ba batho
Lo tlaa di gama lo sa di tlhapela
NAMOLA LEUBA (IPELEGENG)o a sebiwa
Ba le bantsi ba a go nyatsa
Ba re o oketsa lehuma
Ka ha ba go itse
Ba go bua leswe
Ba re o iwa ke ba ya selala
Mme tota wena o iwa ke dithakga ditswerere bo mankge ba tiro
Ditshwakga ga di go lebele
E se kgang ya go go bihela
Mathata e le botshwakga
Ka go wena ga go ingwaelwe matsetse
Ke tsamaile tselakgopo, meselenyana
Ke utlwile o sebiwa ke dimumu
Tsa Jerikho di go supa ka menwana
Ba go kgagolela leina jaaka pampiri
Ba re ka wena o tshameka ya Madi
Ntlha nngwe o koketso ditshebo ,lefufa le boloi
Heela ! Ke bone matagwa a a meno matala
Ke raya dinoga di Loma di fodisa
Ba loga segwene-gwene ka kemiso ya gago
Ka na ke raya makgwelwa
Gatwe ba re "o maisa poso ,segoa-goe
Molaletsa batho ditsabone"
E are o utlwalelwa
Ditlhakga di go tseye ka motlhala
Ba lale ba kalotse matlho
Ba emetse pitso ya gago
Ba emetse go ikarabela
NAMOLA LEUBA tlhe
O utlwile letlhoko
Mme tlhe oketsanyana
Ba ipoloke
Ee ka dijo le diaparo
Metsi le molora
Bo botlhoko jwa botshelo re a bo itse
Ba atle ba go bereke ka mashetla
Wena senatla segolo
Kgodiso ya ngwana o e itse botoka
Wena serotloetsa makgwelwa bosula Ke wena
O pelo tlhomogi
Ka o atle o thuse bo reatetesela ,mangole a a reketla
Rona makgarebe re tswe le tse di tswang
Makolwane bo rra bana ba ikgatisitse diterena
Terena mmolaya sika loo Efah
Botshelo mo shena meno setau
Matlhaka-tlhakanya kolwane,tshimane,tshetsana le tshadi ao tle o ba phemele ka diphuka
ka lemme le sa galalwe
Click here to claim your Sponsored Listing.
Location
Category
Contact the business
Telephone
Website
Address
P O Box 3623 MOLEPOLOLE
Serowe
�