24/09/2026
BATANANO - WANANO - SHINGIDZANO
Ikwadiso e letse e tswaletswe maabane bosigogare, jaanong a re boele mo tirong.
Ke boammaruri, re tlaa bo re nale baeng ka weekend, go tswa Tutume. Baeng ba rona ba bidiwa Batanano, Wanano le Shingidzano.
Ke dumela gore bangwe mo Okavango, ga lo itse gore maina ina ao a raya eng.
Nna ke itse la Wanano hela. Go nale rre mongwe ko Maun, yoo tumileng. Ke Agente, mankge wa tsa molao. O bidiwa Wanano Lumbile. Rre Wanano o tumile ka go fenya dikgetsi ko Maun High Court. Fa o dirile molato o motona tona mme o sa batle go ya matamong, rre Wanano ke ene tsela le boammaruri. Di Judge tsotlhe mo Maun, di a mo tshaba. Ba ipotsa gore ene molao o e ithutetse kae, jang.
Jaanong ke belaela gore Wanano yo, go tewa go fenya ko High Court. Baeng ba rona ba ipiditse Wanano kabomo. Ba ithaya ba re bokgoni jwa ga rre yole wa Maun, bo tla hetela ko go bone.
E re gontse jalo, Batanano le Shingidzano go tewa eng? Thusang hoo. Ga re kake ra tla go tshameka le batho re sa itse maina a bone. Shingidzano wa teng okare seZulu jaana. Ga se gore gongwe baeng ba rona ba rata ntwa tota? Batho le difeisi?
Legale ka Saterataga, o tlaa tla o iponela bo Jackie Chan bao go tswa Tutume.
π
½οΈπ
΄οΈποΈποΈ π
ΌοΈπ
°οΈποΈπ
²οΈπ
·οΈ ........
Featuring
β½οΈ Ndundu Young Fighters SC
π Tutume Rangers Football Club
π National First Division North League
π First Round, 2nd Season
π VDC Ground [Shakawe]
π
Saturday, 26 September 2026
β°οΈ 16:00hrs
πΈ P30.00 Adults
πΈ P20.00 If putting on eB-Ndundu replica
π€ P5.00 Bana
π [Free]
Tickets shall also be available at the gate!
πΆ Music β’ Food β’ Community Vibes
*** Corporate Stalls P200.00
*** Food Stalls: P100.00
*** Beverage stalls: P100.00
*** Sweets stalls: P50.00